Mosadimogolo wa lebotlolo
Northern Cape Teachers’ Workshop 2016
Abraham Muzee

Go ne go le mosadimogolo mongwe a dula a e esi mo lebotlong mme a rata go ngongorega.

1

Ka letsatsi lengwe moengele o ne a feta gaufi le ena mme a mmona a tlhoname mo gare ga lebotlolo.

2

Moengele o ne a ema mme a botsa mosadimogolo a re, "Molato ke eng mosadimogolo?"

3

Mosadimogolo a fetola a re, "Ke lapisitswe ke go nna mo lebotlolong."

4

Moengele a mo raya a re, "Ema, opa diatla gabedi, dikologa gararo."

5

Erile Mmosadimogolo a fetsa go dira se se laetsweng, a iphitlhela a nna mo ntlong e nnye.

6

Morago ga malatsi moengele a boa mme a fitlhela mosadimogolo a sa itumela.

7

A mmotsa a re, "Molato ke eng mosadimogolo? Goreng o sa itumela?"

8

Mosadimogolo a araba a re, "Ntlo e e nnye, ga ke e rate."

9

Moengele a mo raya a re, "Ema, opa diatla gabedi, dikologa gararo."

10

Fa a fetsa go dira se a se laetsweng mosadimogolo a iphitlhela a dula mo ntlong e kgolo.

11

La bofelo erile moengele a tla go bona mosadimogolo gape a mo fitlhela a ntse a sa itumela.

12

A mmotsa a re, "Molato ke eng mosadimogolo?" Mosadimogolo a araba a re, "Ntlo e e lefifi ebile e leswe."

13

Moengele a mo raya a re, "Ema, opa diatla gabedi, dikologa gararo."

14

Erile mosadimogolo a fetsa go dira se a se laetsweng a iphitlhela a boetse mo lebotlong la gagwe.

15

Megabaru ya mosadimogolo e ile ya dira gore a se bone dimpholo tse a di abelwang. O ile a nna a ele esi mo lebotlong botshelo jwa gagwe botlhe.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosadimogolo wa lebotlolo
Author - Northern Cape Teachers’ Workshop 2016
Illustration - Abraham Muzee
Language - Setswana
Level - First sentences